Luke 2

Go tsalwa ga ga Jesu

1Ka nako e Kaesare Aguseto, Kgosi e kgolo ya Roma a ntsha molao wa gore merafe yotlhe e kwalwe. 2Go kwalwa mo go ne ga dirwa ka lobaka lwa Kwirinio e le molaodi wa Siria.

3Mongwe le mongwe o ne a kopiwa go boela kwa ga gabo mogolo go ikwadisa. 4Mme Josefe ka e ne e le ngwana wa bogosi, a tshwanelwa ke go tswa kwa motseng wa Galalea wa Nasaretha a etela kwa Bethelehema mo Judea legae la bogologolo la ga Kgosi Dafide. 5A tsamaya le Marea, mmeelediwa wa gagwe yo o neng a bonala a le moimana ka nako e.

6Mme fa ba sa le teng foo, lobaka lwa tla lwa gore ngwana a tsholwe; 7mme a tshola ngwana wa ntlha, e le mosimane. A mo phuthela ka kobo a mmaya mo bojelong jwa diruiwa, gonne ba ne ba sena bonno mo motseng wa baeti.

8Bosigo joo badisa bangwe ba bo ba le mo nageng kwa ntle ga motse, ba disitse letsomane la bone la dinku.

9Ka tshoganetso moengele a iponatsa mo go bone mme lefatshe la phatsima ka ntlha ya kgalalelo ya Morena, mme ba tshoga thata. 10Mme moengele a ba nametsa a re, “Se boifeng!” “Ke lo lereditse mafoko a boitumelo jo bogolo jo bo tlaa bolelwang ka bosakhutleng, mme ke jwa mongwe le mongwe! 11Mmoloki ee, Mesia o tsetswe bosigong jono mo Bethelehema! 12Lo tlaa mo lemoga jang? Lo tlaa bona losea lo phuthetswe mo kobong, lo robaditswe mo bojelong!”

13Ka tshoganetso moengele a tlhakana le lesomo le legolo la ba bangwe ebong mephato ya legodimo ba baka Modimo ba opela ba re:

14“Kgalalelo e nne go Modimo kwa magodimong, le kagiso mo lefatsheng mo go botlhe ba ba mo itumedisang.”

15Erile mophato o mogolo wa baengele o sena go boela gape kwa legodimong, badisa ba raana ba re, “A re yeng! A re yeng kwa Bethelehema! A re yeng go bona kgakgamatso e e diragetseng, e Morena o re boleletseng kaga yone.”

16Mme ba sianela kwa motseng ba tsaya tsela e e yang kwa go Marea le Josefe. Mme ga bo go le ngwana a rapame mo bojelong. 17Badisa ba bolelela mongwe le mongwe kaga se se diragetseng le se moengele o se ba boleletseng kaga ngwana yo. 18Botlhe ba ba utlwileng polelo ya badisa ba gakgamala. 19Mme Marea a baya dilo tse mo pelong ya gagwe ka tidimalo mme a akanya kaga tsone gantsi.

20Hong badisa ba boela gape kwa nageng kwa letsomaneng la bone, ba galaletsa Modimo kaga go etelwa ke moengele le gore ba bone ngwana, fela jaaka baengele ba ba boleletse.

21Morago ga malatsi a fera bobedi, kwa tirelong ya thupiso ya losea, a rewa leina gatwe Jesu, leina le o le neilweng ke moengele pele ga a ise a ithwalwe.

Jesu o neelwa Morena mo Tempeleng

22E rile fa nako e tla ya gore Marea a ntshe tshupelo ya ntlafatso kwa tempeleng, ka fa melaong ya ga Moshe morago ga botsalo jwa ngwana, batsadi ba gagwe ba mo tseela kwa Jerusalema go ya go mo neela mo Moreneng; 23Gonne mo melaong e go tulwe, “Fa ngwana wa ntlha wa mosadi e le mosimane, o tlaa neelwa Morena.”

24Ka nako eo batsadi ba ga Jesu le bone ba ntsha setlhabelo sa bone sa go itshekisiwa, a e ka nna maphoi a le mabedi! kgotsa maebana a mabedi! E ne e le kopo e e ka fa molaong. 25Ka letsatsi leo monna yo o bidiwang Simione moagi wa Jerusalema, o na a le mo tempeleng. E ne e le monna yo o siameng, morapedi yo mogolo, a tletse Mowa o o Boitshepo ebile ka metlha yotlhe a solofetse Mesia go tla ka bonako. 26Gonne Mowa o o Boitshepo o ne o iponaditse mo go ene gore ga a na go swa go fitlhelela a bona kgosi e e tloditsweng ya Modimo. 27Mowa O O Boitshepo o ne wa mo tlhotlheletsa go ya kwa tempeleng ka letsatsi leo; mme jalo fa Marea le Josefe ba goroga go neela Jesu mo Moreneng ka go ikobela molao, 28Simione o ne a le teng mme a tsaya ngwana ka mabogo a gagwe, a baka Modimo.

29
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 2:31.
30
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 2:31.
31
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 2:29-31.
A re, “Morena. Jaanong ke ka a swa ka kagiso! Gonne ke mmone jaaka o ntsholofeditse gore ke tlaa mmona, ke bone Mmoloki yo o mo neileng lefatshe.
32Ke lesedi le le tlaa phatshimelang dichaba, e bile o tlaa nna kgalalelo mo bathong ba gago ba Iseraele!”

33Marea le Josefe ba ema fela foo, ba gakgamalela se se buiwang kaga Jesu.

34
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 2:35.
35
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 2:34-35.
Simione a ba segofatsa mme a raya Marea a re, “Chaka e tlaa tlhaba mowa wa gago, gonne ngwana yo o tlaa ganwa ke batho ba le bantsi mo Iseraele ka ntlha ya tshenyego ya bone. Mme o tlaa nna boipelo jo bogolo jwa ba bangwe ba le bantsi. Le dikakanyo tse di kwa teng tsa dipelo tse di ntsi di tlaa senolwa.”

36
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 2:37.
37
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 2:36-37.
Ana, moporofiti wa mosadi o na a le teng ka letsatsi leo. E ne e le morwadia Fanuela, wa morafe wa Sejuta wa ga Ashere, mme o ne a tsofetse, gonne e ne e le motlholagadi wa selekanyo sa dingwaga di le masome a fera bobedi le bone go tloga mo dingwageng di supa tsa lenyalo la gagwe, o ne a seka a tloga mo tempeleng mme a nna teng bosigo le motshegare, a obamela Modimo ka go rapela le go itima dijo gantsi.

38A atamela fa Simione a sa ntse a bua le Marea le Josefe, mme a simolola go leboga Modimo le go itsise mongwe le mongwe mo Jerusalema yo a neng a letile go tla ga Mmoloki kaga kgorogo ya ga Mesia. 39Erile batsadi ba ga Jesu ba sena go diragatsa gotlhe mo go neng go tlhokwa ke Molao wa Modimo ba boela gae kwa Nasaretha mo Galalea. 40Koo ngwana a feta a nna mosimane yo o thata yo o nonofileng, a ba a itsiwe ka botlhale jo bo fetileng dingwaga tsa gagwe; mme Modimo wa gorometsa matlhogonolo a one mo go ene.

Jesu o bua le Baruti mo Tempeleng

41
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 2:42.
42
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 2:41-42.
Erile Jesu a le dingwaga di le lesome le bobedi a tsamaya le batsadi ba gagwe go ya kwa moletlong wa Tlolaganyo o ba neng ba o tsena ngwaga le ngwaga.
43Morago ga moletlo ba simolola go boela gae kwa Nasaretha, mme Jesu a sala mo Jerusalema. Mme batsadi ba gagwe ga ba a ka ba mo tlhoka letsatsi la ntlha, 44gonne ba ne ba gopola gore o na le ditsala mo baeting ba bangwe. Mme erile fa a sa bonale mo maabanyaneng ao, ba simolola go mmatla mo ditsaleng tsa bone.

45Mme ya re ba sa mmone, ba boela kwa Jerusalema go ya go mmatla teng. 46
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 2:47.
47
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 2:46-47.
Morago ga malatsi a mararo ba mmona. O ne a le mo Tempeleng, a ntse fa gare ga baruti ba molao, a ganetsanya le bone ka dipotso tse di thata mme a gakgamatsa mongwe le mongwe ka kitso ya gagwe le dikarabo.
48Mme batsadi ba gagwe ba se ka ba itse gore ba ka akanyang fa ba mmona a ntse foo a didimetse. Hong mmaagwe a mo raya a re, “Morwaaka! Ke eng fa o re diretse jaana. Rrago le nna re go batlile ka tlhoafalo gongwe le gongwe?”

49Mme a ba raya a re, “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa lemoge gore ke tlaa bo ke le fano mo Tempeleng, mo tlung ya ga Rre?”

50Mme ba bo ba sa tlhaloganye gore o raya jang.

51Hong a boela kwa Nasaretha le bone a ba utlwa; mme mmaagwe a boloka dilo tse tsotlhe mo pelong ya gagwe. 52Mme Jesu a gola a nna moleele ebile a le botlhale, mme a ratwa ke Modimo le batho.
Copyright information for TsnLEF